2 Thessalonians 2

Go tla ga ga Keresete

1
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Bathesalonia II 2:2.
2
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Bathesalonia II 2:1-2.
Mme jaanong, ga tweng kaga go tla ga Morena wa rona Jesu Keresete gape, le go phuthega ga rona go mo kgatlhantsha? Tswee-tswee se tshikinngweng megopolo fela e le go fuduiwa, bakaulengwe ba ba rategang, ke puo e e reng letsatsi le la Morena le setse le bile le simologile. Fa lo utlwalela batho ba ba bonang diponatshegelo le melaetsa ya botlhokwa e e tswang kwa Modimong kaga sone se, kgotsa dikwalo tse di kaiwang di tswa kwano go nna, se ba dumeleng.
3Se gapegeng, se tsietsegeng le fa ba reng. Gonne letsatsi leo ga le kitla le tla fa e se dilo tse pedi di diragala: Sa ntlha go tlaa nna nako ya go tsuolola Modimo mo go golo, mme motsuolodi o tlaa tla, ebong morwa molete. 4O tlaa nyatsa modimo mongwe le mongwe o o teng, o tlaa gagolaka sengwe le sengwe sa tlotlo le kobamelo. O tlaa tsena mo tempeleng ya Modimo a nna fa fatshe jaaka Modimo, a re ene ka sebele ke Modimo. 5A ga lo gakologelwe gore ke lo boleletse se mo nakong e ke neng ke na le lona ka yone? 6Mme lo itse gore o kganetswe ke eng gore a bo a ise a tle; gonne o ka tla fela fa nako ya gagwe e setse e siame.

Yo o bosula o tlaa nyelediwa ke Keresete

7Tiro e monna yo wa tsogologelo le molete o tlaa e dirang, e setse e tswelela pele, mme ene ka sebele ga a na go tla go fitlhelela yo o mo kgane-tseng a mo sutela mo tseleng. 8Jalo yo o bosula yo, o tlaa bonala yo Morena Jesu a tlaa mo tshubang ka mowa wa molomo wa gagwe a bo a mo nyeletsa fa pele ga gagwe fa a boa. 9Monna yo wa boleo, o tlaa tla e le sedirisiwa sa ga Satane, a tletse nonofo ya ga Satane, mme o tlaa tsietsa mongwe le mongwe ka ditshupo tse di sa tlwaelesegang, mme o tlaa dira dikgakgamatso tse dikgolo.

10O tlaa tsietsa gotlhelele ba ba mo tseleng ya bone go ya moleting gonne ba ganne Boammaaruri, ba ganne go bo dumela le go bo rata, le go bo letla go ba boloka, 11mme ka ntlha ya moo, Modimo o tlaa ba letla go dumela maaka ka dipelo tsa bone tsotlhe, 12mme botlhe ba tlaa atlholwa fela ka ntlha ya go dumela maaka, go gana Boammaaruri, le go natefelelwa ke dibe tsa bone. 13Mme re tshwanetse ka metlha yotlhe go leboga Modimo kaga lona, bakaulengwe ba rona ba ba ratwang ke Morena, gonne Modimo o sale o tlhopha kwa tshimologong go lo naya poloko, go lo ntlafatsa ka tiro ya Mowa O O Boitshepo le ka go ikanya Boammaaruri ga lona. 14Ka rona o lo boleletse Mafoko a a Molemo. Gape o lo bileditse go nna le seabe mo kgalalelong ya Morena wa rona Jesu Keresete ka rona.

15Ka dilo tse tsotlhe di le mo mogopolong, bakaulengwe ba ba rategang, emang lo nitame lo bo lo ngaparele thata boammaaruri jo re lo bo rutileng mo dikwalong tsa rona le ka nako e re neng re na le lona ka yone.

16A Morena wa rona Jesu Keresete ka sebele le Modimo Rraa rona, o o re ratileng wa bo wa re neela kgomotso ya bosakhutleng le tsholofelo e e sa re tshwanelang, 17a gomotse dipelo tsa lona ka kgomotso yotlhe, a lo thuse mo go sengwe le sengwe se lo se buang le se lo se dirang.
Copyright information for TsnLEF